Motseletsele wa
dibuka di le 8 tsa bana. Buka nngwe le nngwe e itshetlegile mo
phologolong mme e re tlhalosetsa ka ga tlhamane e e totobatsang
botlhokwa jwa boleng le boitsholo. Ka go ikamanya le mekgwa ya
badiragatsi mo tlhamaneng, bana ba ka ithuta go tlhaloganya ditlamorago
tsa maungo a dipoelo tsa ditiro tsa bona ka nosi le tsa batho ba bangwe.
Tlhamane ya bana ba bannye e e tlhalosang ka ga makgakga a bosutlha le
dikotsi tsa go beela bontle jwa ditebego tsa motho kwa godimo ga maemo a
boitekanelo le pabalesego tsa gagwe.
Tlhamane ya bana ba bannye e e tlhalosang ka fa go arogana go ka
tshegetsang botsalano jo bo tletseng ka teng, le gore go mosola go nna
le ditsala mo dinakong tsa mathata.
Tlhamane ya bana ba bannye e e tlhalosang
gore ga go a siama go nna motlapa, le gore go botlhokwa go mongwe le
mongwe go dira tiro e a tshwanetseng go e dira.
Tlhamane ya bana ba bannye e e tlhalosang
gore fa re gola re tshwanetse go nna le boikarabelo jo bo tletseng mme
go dira se, re tshwanetse go ikanyega le go dira ka thata.
Tlhamane ya bana ba bannye e e tlhalosang
mosola wa go thusa ba ba gaufi nao. Go nna le thuso go fetola botshelo
jwa gago le botshelo jwa ditsala le ba lesika go nna bonolo.